MOLAODI WA MOTLAKASE WA BOSETŠHABA
GO KGAOLWA GA MOTLAKASE
O KA TILA JANG GO KGAOLELWA
Duela dikoloto tsa gago
Go botlhokwa gore ka metlha o duele melato ya gago ya motlakase ka botlalo. Se se tla dira gore akhaonto ya gago e se ka ya salela kwa morago Gantsi badirelwa ba duela bontlhabongwe jwa sekoloto se se tshwanetseng go duelwa ba akanya gore ba tla tila go kgaolelwa. Fa madi otlhe a a saletseng kwa morago a sa duelwe mo kgweding e e latelang, se se tla oketsa kgonagalo ya gore o se ka wa tshola akhaonto ya gago e le mo taolong.
Tsweetswee tlhokomela gore dituelo tsa sekoloto ka bontlhabongwe ka tlhomamo di santsane di ka baka go kgaolelwa motlakase. Ka bonako fela fa o lemoga gore ga o kgone go duela dikoloto tsa gago tsa motlakase o ikgolaganye le motlamedi wa gago ka bonako, mme o rulaganye mabaka a go di duela.
Go tla nna le tuediso ya dinamanyane ya madi otlhe kgotsa a a saletseng kwa morago, fa modirelwa a sa duele dikoloto tsa motlakase gotlhelele, kgotsa fa a duela bontlhabongwe, kgotsa a duela morago ga letlha le le tshwanetseng. Se se tla baka koketsego go se kae mo tshupamolatong ya modirelwa.
Diragatsa ditumalano tsa gago tsa dikoloto
Fa o kile wa saena tumalano ya tuelo ya sekoloto le motlamedi wa gago go mosola go e diragatsa. Fa o retelelwa ke go dira jalo, motlakase wa gago o ka kgaolwa. Le gale, fa maemo gago a fetogile thata morago ga go saena tumalano, o tshwanetse go itsise motlamedi wa gago ka bonako. Bopaki jwa go fetoga ga maemo a gago bo ka batlega.
Tlhokomela tiriso ya gago ya motlakase
Fa o na le mitara wa bogologolo (o gape itsegeng jaaka mitara wa kerediti) o tla tshwanela ke go tlhokomela diyuniti tse o di dirisang le dipalelo tsa gago ka tlhomamo.Mo sekolotong sengwe le sengwe sa motlakase go tshwanetse ga nna le palelo ya pulo (palo e e fetileng) le palelo e e tswalang (palo ya sešweng). O tla tshwanela ke go netefatsa gore a na palelo ya gago ya pulo ya kgwedi e tshwana le palelo ya kgwedi e e fetileng. Fa di sa tshwane kopa motlamedi wa gago wa selegae go go tlhalosetsa. Nako nngwe batho ba ba tsayang dimitara ba a tle ba dire diphoso.
Sekaseka tlhwatlhwa ya gago ya yuniti: Go botlhokwa go itse gore motlamedi o tshwanetse go go duedisa bokae yuniti e le nngwe (kWh) ya motlakase o o o dirisang. Fa o sa itse o ka botsa motlamedi wa gago kgotsa o ka ikgolaganya le Molaodi wa Motlakase wa Bosetšhaba go bona tshedimosetso. Go tlhaloganya gore o duedisitswe bokae kgwedi eo, o tla tshwanela ke go arola palo e o e neilweng e le Diranta ka fa tlase ga motlakase , mme o e arole ka palo ya diyuniti tse di neetsweng mo tshupamolatong ya gago.(Diyuniti e tla nna pharologanyo e e neetsweng magareng ga dipalelo tse di bulang le tse di tswalelang). Searolo e tla nna tuediso ka yuniti nngwe le nngwe.
Akanya ka ga go fetlela kwa motlakaseng o o duelelwang kwa pele
Fa go na le boitlhophelo jwa go fetolela go tswa kwa mitareng wa kerediti, akanya ka go fetolela kwa motlakaseng o o duelelwang kwa pele.
Gakologelwa gore go tla tlhokega tuelo ya go fetolela. Dituelo di tla ikaega ka bogolo jwa tlamelo ya gago. Melemo ya boitlhophelo jo ke e:
Se se tla go thusa go laola tiriso ya motlakase wa gago.
Ga o kitla o nna le matshwenyego a go salela kwa morago ga akhaonto ya gago.
O tla tila go kgaolelwa motlakase.
O ka laola seelo sa motlakase o o o dirisang.
Fa akhaonto ya gago e saletse kwa morago ka dituelo o ka tshwanela ke go e duela pele o fetolela kwa motlakaseng o o duelelwang kwa pele. Dipoelo tsa paka e telele tse di neetsweng fa godimo di feta tlhokego e. Tlhotlhomisa mo motlameding wa gago ka ga pholesi e e laolang ntlha e. Gantsi batlamedi ba batla gore modirelwa a tsene mo tumalanong go duela madi a a saletseng kwa morago mo sebakeng se go dumalanwang ka sone.
Itlwaetse tiriso e e siameng ya motlakase
Tiriso ya motlakase wa gago ka tshwanelo go tla thusa go fokotsa tiriso le dikoloto tsa gago tsa kgwedi. O dira jang se? Ditofo, dikisara le dihitara ke tsone tse di dirang karolo e kgolo ya sekoloto sa motlakase.
Fa o na le kisara tlhokomela gore thomosetata ya yone ga e a bewa kwa godimo thata. E ka fokolediwa go +/- 60. O tla tshwanela ke go batla keletso mo motlameding wa motlakase wa gago tebang le se.
Kamoganyo ya kisara: Fa o ka kgona, kamoganyo ya kisara le dipeipi tse di ntshang metsi e tla fokotsa tiriso ya motlakase. Le gale, go ka akaretsa tiriso ya madi a mantsinyana go fitlhelela maikemisetso a.
Setofo: Netefatsa gore ga o a gotetsa dipoleite tsotlhe tsa setofo sa gago ka nako e le nngwe.
Go botlhale go fokotsa mogote wa dipoleite ka bonako fela fa pitsa e bedile.
Se dirise obene ya gago jaaka hitara ka ntlha ya gore e dirisa motlakase o montsi thata.
Dihitara: Dihitara tsa motlakase di na le go dirisa motlakase o montsi. Fa o se na hitara ya gase go botlhale go gotetsa bara e le nngwe fela ya hitara ya gago.
Go a tlhaloganyesega gore seno se ka tsaya nako e telele go gotetsa lefelo le le maleba.
Kamoganyo ya ntlo: Kamoganyo ya siling ya ntlo e tla fokotsa tatlhegelo ya mogote go tswa mo ntlong thata.
Go bonesa: Dipone tse di kitlaneng tsa foloresente di ntsha lesedi le legolo ka tiriso e e kwa tlase ya motlakase.
Gape o ka nna wa ikgolaganya le motlamedi wa gago go bona tshedimosetso go ya pele.
MOLAO O A RENG KA GA GO KGAOLWA GA MOTLAKASE?
Molao wa Motlakase wa 1987 jaaka o tlhabolotswe, o letla gore motlamedi wa motlakase a ka kgaola motlakase wa modirelwa fa a sa duelela motlakase kgotsa a sa kgotsofatse mabaka a tlamelo. Le gale, molao o batla gore motlamedi a neele modirelwa tsiboso ya malatsi a le lesomenne pele a ka kgaolela modirelwa motlakase.
Paka e ya tsiboso e simolola ka letlha le le neetsweng mo lekwalong. Tsiboso e e neetsweng mo tshupamolatong ya kgwedi le kgwedi le yona e tsewa e amogelesega. Ka jalo badirelwa ba kopiwa go ela tlhoko se se kwadilweng mo ditshupamolatong tsa bone.
Karolo e e laolang ntlha e Tirelong ya Badirelwa (NRS 047) e ne e ikaegile ka karolo ya Molao wa Motlakase o o kailweng fa godimo.
Dingongorego
Gakologelwa gore lefelo la ntlha le o tshwanetseng go ya kwa go lone ke la motlamedi wa gago wa selegae.
Modirelwa o na le tshwanelo ya go ngongorega ka ga boleng jwa tirelo e a e neelwang ke motlamedi wa selegae.
Motlamedi wa selegae o patelesega go reetsa le go dira sengwe ka ga dingongorego tsa gago.
Fa wena, modirelwa o sa kgotsofadiwa ke tshwetso kgotsa mokgwa o ngongorego ya gago e neng e tshwerwe ka teng, ntlha e, e ka fetisediwa kwa NER go bona thuso.
Dintlha tsa go ikgolaganya le Molaodi wa Motlakase wa Bosetšhaba ke tse:
Boloko jo bo kwa Bokone Aterese ya websaete:
